Batho ba bantsi ba ne ba tla
ba bolelela Jehoshaphat
gore masole a mantsi ba tlile go mo
latela go tla go nna ba lwa le ene.
Ka go tsibosiwa ke dikgang tse,
Jehoshaphat a laola
gore majuta otlhe gore ba itime dijo.
Batho ba ne ba tswa ntlheng
tsothle tsa toropo ya Juda
go tla go itima dijo gape ba rapela mmogo.
Re ne re le bangwe ba palo ya setlhopha
se setona, mme Jehoshaphat
ka tlhwaafalo a kopa
Modimo gore a ba thuse.
Ka jalo monna mongwe yo o neng a bidiwa
Jahaziel a emelela mme a bolelela
Jehoshaphat gore a seka a tshwenyega
ka gore ga se ntwa ya gagwe,
mme ke ntwa ya Modimo.
E ne e le makuku a matona fa re tsamaya
mo sekakeng sa Tekoa.
Re ne re tshwentswe thata ke go
lebagana le palo e ntsi ya masole ao,
mme re ne re boleletswe
gore re nne le tumelo.
Re ne re setse re rapetse.
Ga re fitlha ko godimo ga thaba
re ne ra bona ditopo tsa batho ba ba
tlhokafetseng di tletse gongwe le gongwe.
Motho yo a neng a tshabiwa o ne a
setse ele mmaba wa rona.
Dithapelo tsa ga Jehoshaphat di
mothusitse go fenya ntwa
go sa tlhokafale gore go ka nna le ntwa.